This is the Trace Id: 3429d948b399cc93efc9cd9d38064a91
Tlolela kwa diteng tsa konokono Azure Copilot Windows Surface Xbox Outlook Accessories Microsoft AI Microsoft Security Azure Dynamics 365 Microsoft 365 for business Microsoft Power Platform Windows 365 Developer Center Documentation Microsoft Learn Microsoft Tech Community Microsoft Marketplace Visual Studio Software companies View Sitemap

Sephuthelo sa Segokaganyi sa Puo ya Windows 7

Sephuthelo sa Segokaganyi sa Puo sa Windows 7 se tlamela ka Segokaganyi sa Modirisi se se ranotsweng sa mafelo a a dirisiwang thata a Windows 7

Sa botlhokwa! Go tlhopha puo fa tlase go tla fetola diteng tsotlhe tsa tsebe ya puo eo thata.

  • Mofuta:

    1.0

    Letlha la Phasalatso:

    2/15/2024

    Leina la Faele:

    LIP_tn-ZA-32bit.mlc

    LIP_tn-ZA-64bit.mlc

    Bogolo jwa Faele:

    2.6 MB

    4.0 MB

    Sephuthego sa Segokaganyi sa Puo sa Windows (LIP) se tlamela ka mofuta o o ranotsweng go sekae wa mafelo a a dirisitsweng thata a Windows. Morago ga go tsenya LIP, mokwalo mo dikaeding, mabokosopuisano, dimenu, le ditlhogo tsa Thuso le Tshegetso di tla bontshiwa ka puo ya LIP. Mokwalo o o sa ranolwang o tla tlhaga ka puo ya motheo ya Windows 7. Ka sekai, fa o reka mofuta wa Se-Spain wa Windows 7, le LIP ya Se-Catalan e e tsentsweng, mokwalo mongwe o tla sala o le ka Se-Spain. O ka tsenya go feta LIP e le nngwe mo puong e le nngwe ya motheo. Di-LIP tsa Windows di ka tsenngwa mo mefuteng yotlhe ya Windows 7.
  • Ditsamaisotiro tse di Tshegediwang

    Windows 7

    • Microsoft Windows 7
    • Go tsenngwa ga puo e e batlegang ya motheo ya Windows 7: Seesemane
    • 4.63 Mb ya sebaka se se senang sepe sa taisololo
    • 15 Mb ya sebaka se se senang sepe sa thulaganyo

  • TLHAGISO: Fa o na le totlelo ya BitLocker e e kgontshitsweng, tsweetswee e kgaodise ka nakwana pele o tsenya LIP. Bula Control Panel, tshwaya System and Security, le BitLocker Drive Encryption. Tobetsa mo go Suspend Protection.

    E re ka go na le ditaisololo tse di farologaneng tsa mefuta ya 32-bit le ya 64-bit ya Windows 7 LIP, pele o simolola go laisolola, o tshwanetse go sekaseka go bona gore ke mofuta ofe wa Windows 7 o o o tsentseng: Tsela ke eno ya go sekasea go bona gore ke mofuta ofe wa Windows 7 o o o tsentseng:

    Tobetsa konopo ya Start o bo o tobetsa ka konopo ya moja mo go Khomphiutha o bo o tlhopha Properties. Seno se tla tlhagisa tshedimosetso ya motheo ka khomphiutha ya gago.
    Leba karolo ya Tsamaiso ya mofuta wa Tsamaiso. Seno se tla supa gore a Tsamaisotiriso ya Windows 7 ke Tsamaisotiriso ya 32-bit kgotsa ke Tsamaisotiriso ya 64-bit.

    Gore o tsenye mofuta wa 32-bit, o ka nna wa:

    1. Tobetsa konopo ya Selaisololwa, o bo o tobetsa Open go tsenya LIP


    2. kgotsa

    3. Tobetsa konopo ya Selaisololwa
      • Tobetsa go Save go kopololela faele mo khompiutheng ya gago,
      • Fenena go faele e e kopolotsweng o bo o e tobetsa gabedi go tsenya LIP

    Go tsenya mofuta wa 64-bit, o tshwanetse go dirisa seitlhophelwa 2 fa godimo.